Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Kgaolo 14

Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Kgaolo 14: Dikaelo-Kakaretso

Molao wa Boditšhabatšhaba

231. Ditumalano tsa boditšhabatšhaba
1. Ditherisano le go saeniwa ga ditumelano tsotlhe tsa boditšhabatšhaba ke maikarabelo a khuduthamaga ya bosetšhaba.
2. Tumalano ya boditšhabatšhaba e tlama Rephaboliki fela fa e rebotswe ka tshwetso mo go Ntlokokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense ka bobedi, ntle le fa e le tumelano e e umakiwang mo karolwaneng(3).
3. Tumalano nngwe le nngwe ya boditšhabatšhaba ya mothale wa botegeniki, botsamaisi kgotsa mokgwa wa bodiragatsi, kgotsa tumalano e e sa tlhokeng kana netefaletso kgotsa koketso, e e tsenwang ke khuduthamaga, e golega Rephaboliki ntle le thebolo ya Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, mme e tshwanela go atlhaatlhiwa mo Kokoanong le Khansele mo nakong e e isegang.
4. Tumalano nngwe le nngwe ya boditšhabatšhaba e nna molao mo Rephaboliking fa e atlanegisitswe go nna molao wa bosetšhaba; mme thulaganyo e e itiragatsang ya tumelano e e rebotsweng ke Palamente ke molao mo Rephaboliking ntle le fa e sa dumelane le Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente.
5. Rephaboliki e tlamiwa ditumelano tsa boditšhabatšhaba tse di neng di tlama Rephaboliki fa Molaotheo o tsena mo tirisong.

232. Molao wa setso wa boditšhabatšhaba
Molao wa Setso wa Boditšhabatšhaba o dira karolo ya molao wa Rephaboliki ntle le fa o sa dumalane le Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente.

233. Tiriso ya molao wa boditšhabatšhaba
Fa go tlhalosiwa molao, kgotlatshekelo nngwe le nngwe e tshwanetse go dirisa tlhaloso e e maleba ya molao o o dumalanang le molao wa boditšhabatšhaba mo godimo ga tlhaloso ya mothale o mongwe o o sa dumelaneng le molao wa boditšhabatšhaba.

Merero e Mengwe

234. Dipapetlana ya ditshwanelo
Go ya ka mabaka a go matlafatsa demokerasi e e theilweng ka Molaotheo, Palamente e ka amogela Papetlana ya Ditshwanelo tse di tsamaelanang le dithulaganyo tsa Molaotheo.

235. Boikemisetso jwa botho
Tshwanelo ya maAforika Borwa otlhe go boikemisetso jwa botho, go ya ka tlhaloso ya Molaotheo, ga e thibele, lenaanetsamaiso la tshwanelo eno, kamogelo ya tshwanelo ya boikemisetso ya setlhopha sengwe le sengwe se se na leng setso le puo ya setso e e tshwanang, mo melelwaneng ya Rephaboliki kgotsa ka mokgwa mongwe gape, o o tlhomamisitsweng ka molao wa bosetšhaba.

236. Kabelo matlole ya makoko a sepolotiki
Go matlafatsa demokerasi ya makoko mantsi, molao wa bosetšhaba o tshwanetse go abela matlole makoko a sepolotiki a a tsayang karolo mo makgotlapeomolao a bosetšhaba le a diporofense ka mokgwa wa tekatekano le mokgwa wa tekanyetso.

237. Tlamego ya go dira ka Boineelo
Ditlamego tsotlhe tsa Molaotheo di tshwanelwa go diriwa ka botswerere le ka bonako.

238. Boemedi le thebolelo-tiro
1. Setheo sa taolo ya Khuduthamaga ya puso mo lekaleng lengwe le lengwe la puso se ka –
a. aba tiro nngwe le nngwe e e tshwanetseng go diriwa go ya ka molao wa setheo sengwe le sengwe sa khuduthamaga sa puso, fa fela thebolelo eo e tsamaelana le molao oo matla a dirisiwang kgotsa tiro e e tshwanetseng go diriwa.
b. dira tiro nngwe le nngwe kgotsa diragatsa tiro ngwe le ngwe boemong jwa setheo sa khuduthamaga sa puso kgotsa boemedi kgotsa selekanyetso sa taelo.

239. Ditlhaloso
1. Go ya ka Molaotheo ntle le fa bokao, bo tlhalosa ka mokgwa yo mongwe –
“molao wa boditšhabatšhaba” o akaretsa –
a. molao o monnye yo o o dirilweng go ya ka Molao wa Palamente; le
b. molao o o neng o dirisiwa fa Molaotheo o tsena tirisong, e bile o laolwa ka molao wa bosetšhaba;
“setheo sa puso” se bolela –
a. lefapha lengwe le lengwe la puso kgotsa tsamaiso mo lekaleng la bosetšhaba, porofense kgotsa puso selegae; kgotsa
b. tirelo nngwe le nngwe kgotsa setheo –
i. se se diragatsang matla kgotsa se se dirang tiro go ya ka Molaotheo kgotsa molaotheo wa porofense; kgotsa
ii. se se diragatsang matla a setšhaba kgotsa se se dirang ditiro tsa setšhaba go ya ka molao mongwe le mongwe, mme ga e akaretse kgotlatshekelo kgotsa motlhankedi wa boatlhodi.
“molao wa porofense” o akaretsa-
a. molao yo monnye, yo o dirilweng go ya ka Molao wa porofense; le
b. molao o o neng o dirisiwa fa Molaotheo o tsena tirisong e bile o laolwa ke puso ya porofense.

240. Go sa dumelelane ga dikwalo tse di farologaneng
Fa go na le thulano gare ga dikwalo tsa tsa Molaotheo, go tla laola tlhaloso ya tokomane ya Seesimane.

241. Dithulaganyo tsa kgabaganyo
Mametlelelo 6 e dira mo nakong ya kgabaganyetso ya thulaganong ya molaotheo o mošwa e e theilweng ke Molaotheo oo, le morero mongwe le mongwe yo o amanang kgabaganyo eo.

242. Go phimolwa ga melao
Melao e e tlhalositsweng mo Mametlelelo 7 e phimotswe, ka taolo ya 243 le Mametlelelo 6.

243. Setlhogo se se khutshwane le tshimologo
1. Molao o, o bidiwa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1996, e bile o tsena mo tirisong ka bonako jo bo kgonagalang ka letlha le le tlhomamisitsweng ke Moporesidente ka kgoeletso, mme ga go a tshwanela go nna letlha morago ga 1 Phukwi 1997.
2. Moporesidente ka tlhomamisa matlha a farologaneng, pele ga letlha le le tlhalositsweng mo karolotlaleletso (1), go ya ka ditaelo tse di farologaneng tsa Molaotheo.
3. Ntle le fa bokao bo tlhalosa ka mokgwa o mongwe, tlhaloso ka ga taelo ya Molaotheo ka nako fa Molaotheo o ne o tsena mo tirisong, e tshwanetse go amogelwa jaaka taelo ya nako fa taelo eo, e ne e tsena tirisong.
4. Fa go tlhomamisitswe letlha le le farologaneng boemong jwa taelo e e rileng ya Molaotheo, go ya ka karolotlaleletso (2), taelo nngwe le nngwe e e tshwanang le yona, ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1993 (Molao 200 wa 1993) e e tlhalositsweng mo kgoeletsong, e tla kgaphelwa thoko go tloga ka letlha leo.
5. Dikarolo 213, 214, 215, 216, 218, 226, 227, 228, 229 le 230 di tsena tirisong ka 1 Ferikgong 1998, mme se ga se thibele kamogelo ya taelo ngwe le ngwe ya molao o o tlhalositsweng pele ga letlha go ya ka Molaotheo o. Go fitlha ka letlha leo, taelo ngwe le ngwe e e tshwanang le ditaelo tse di maleba tsa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, wa 1993, di tla dula di dirisiwa.